13/01/2026
Lesedi π A le Kganye π
E re ke rute ka na ke bue ka moriana o o bitswang "Letsoi" πΏ
Bangwe bao bitsa ba re ke "Letjoi", mme bangwe bao bitsa "mokhura" πΏ
THUTO KEO π
Maina a a tlwaelegileng π
β Letsoi
β Ntsoi
β Letjoi
β Mokhura
Leina la English π
β Thorn Apple
β Devil's trumpet
β jimsonweed
Leina la Science π
β Datura stramonium
NB : MORIANA O, O NA LE BOTLHOLE BO BO TSENELETSENG π€
KITSO YA LETSOI YA GA MONNAMOGOLO LEGODIMO MO GO TSA SETSO π
Letsoi/Letjoi ke moriana wa setso o ne o dirisiwa bogologolo ke dingaka tsa baloi π€
Dingaka tsa baloi, bogologolo ba ne ba dirisa Letsoi/Letjoi mo go tse di latelang π
β Go bopa thokolosi
β Go bopa sethotsela
β Go dira "Oil" e e fofisang baloi
β Go tshwara moloi
β Go alafa Setlapedi
β Go tlhantsa motho gore a tsenwe
β Go alafa botseno jo bo bakilweng ke boloi
Tota Letsoi/Letjoi tiro ya teng ke tiro e e sa siamang thata, mme gape le siame thata, gonne dingaka tsa setso tse dingwe di le dirisa mo go tse di latelang π
β Go alafa botseno
β Go alafa motho yo o bonya
β Go lwantshana le mewa e e sa siamang
β Go busetsa meleko ko e tswang
β Go thibela thokolosi
β Go tshwara thokolosi
β Go bona gore thokolosi eo e tsamayang mo lwapeng la gago, e tswa kae
NB : Go ne go tsewa matlhare a teng, a be a silwa, go tlhapisiwa jarata ka one, gape Go ne go kubetswa ka matlhare a teng.
Gompieno jaana, batho ba tshaba go dirisa Letsoi/Letjoi gonne ba kaya fa moriana o, o sa siamela mmele wa motho.
Bangwe ba re moriana o, o tla go bolaya, gonne o na le botlhole
Bangwe ba re, ga wa siama, gonne ba tshaba "seeds" ya teng, ba re e tla ba tshentsa.
Ee, ke nnete Letsoi/Letjoi ke nngwe ya meriana e e nang le botlhole, ke ka moo e ne e dirisiwa thata ke dingaka tsa baloi π€
ITSE SE π
Bogologolo moriana o, wa Letsoi/Letjoi o ne o dirisiwa ke dingaka mo kalafing ya setso, o me o dirisetswa go alafa malwetsi a a latelang mo mmeleng ya rona π
β Go alafa khupelo
β Go alafa tlhogo
β Go ntsha letsapa mo mmeleng
β Go alafa motho yo o sa boneng boroko
β Go fokotsa matlhaba mo mmeleng
β Go fokotsa mogote mo mmeleng
TIRISO YA LETSOI/LETJOI YA BOGOLOGOLO π
β Go ne go tsewa matlhare a Letsoi/Letjoi a be a omisiwa, go be go diriwa zolo, go ka gogiwa. Go dira jalo e ne e le go fodisa tlhogo, go bula mafatlha
β Matlhare a moriana o, a ne a omisiwa, a be a silwa go be go dirwa pitsana go ka nowa
β Matlhare a moriana o, a ne a tsewa a be a kopangwa le "seeds" go be go bopiwa thokolosi kgotsa sethotsela.
β Matlhare a moriana o, a ne a silwa a be a kopangwa le seeds, go be go fokwa jarata ka one, go dira jalo, e ne e le go ka tshwara moloi le go leleka mewa e e sa siamang
NB : Go nwa kgotsa go goga, o ne o sa tshwanelang go dirisa go le gontsi π€gonne moriana o, o kotsi, o tla go tlhagisetsa kotsi π€
Gompieno jaana, Moriana o, o dirisiwa fela mo go tsa boloi, gonne batho ba setse bao tshaba go o dirisa mo go tsa pholo
KOTSI E O KA ITEMOGELANG YONE FA O DIRISA MORIANA O, KE E E LATELANG π
β Go tsenwa
β Go tlala mowa ka mpa
β Go ithotela
β Go tsewa ke sedidi
β Go tswa madi mo dinkong
β Go ba weak, mmele o sena matla
β Go nna le mogote o mo ntsi
FA O DIRISA MORIANA O, O SEKE WA O DIRISA KA BONTSI π«π±πβοΈβοΈβοΈ O TLA GO TLHAGISETSA KOTSI
NB : PELE O TLA DIRISA MORIANA O, BATLA THUSO MO GO HERBALIST NNGWE LE NNGWE, E KA GO THUSA π€
Thuto e, Ke go fana ka lesedi le kitso ka moriana o o bitswang Letsoi/Letjoi le tiriso ya one le mosola wa one.
GA DI MONELO-MONGWE
WENA O ITSE MORIANA O, O THUSA ENG? JANG?
π
πΏ
π§ββοΈπ£
γviralγ·