Dr Frank Mots

Dr Frank Mots Traditional Medicine Practitioner.

Treat human mental and physical sickness by herbs, medicinal plants and other techniques traditionally used in the community, and believed to cure and heal by assisting or stimulating nature.....

Happy 🎊🎊🎉🎄💐
27/12/2024

Happy 🎊🎊🎉🎄💐

03/11/2024

Le utlwile akere.

Batho betsho, ga kea le phuaganya, ke sampo ke le busy le ditlhopho. Ke ntlhopheng wa Oodi East Ward,  ke batla goya go ...
29/10/2024

Batho betsho, ga kea le phuaganya, ke sampo ke le busy le ditlhopho. Ke ntlhopheng wa Oodi East Ward, ke batla goya go le emela leka tsa botsogo tota. Rotloetsang Batlhophi ba Oodi ba ntlhopheng akere laitse gore kele rata lotlhe le botsogo jwa lona.

Ntlhopheng lotlhe fela Viva Ae Jeke Kgololo Ke Nako le bo Thapelo Mokaka tota bo Kaplan le bo Moricho bo Monametsi

06/08/2023

Ka itemogelo yame Bolwetse jwa kankere jaanong bo tsere phekelo e sele ,bo gaketse le go feta mme a re nweng megabolo ya rona ko malapeng

1 monnagaapara
2Modikasope/moorasope
3Tholaetona
4monnamontsho
5morula
6lemon
7cinamon
Tsotlhe o tsaya modi wa tsone ,lemon o tsaya leungo la teng iterele motswako wa gago ka tsone o nwee bogolo ga raro mo ngwageng
O nwa ka kopi ga raro ka letsatsi malatsi a supileng
Ke a leboga botsadi a re itlhokomeleng

02/02/2023

Ngwaga o mosha Balatedi ba ga Dr Frank mots
Gompieno thuto e potlana le fa ntswa ke le lobaka ke sa rute
TSIBOGO

Ke itemogetse gore bolwetse jwa kankere botsere phekelo e sele mme go botoka go bo thibela gona le go bo alafa,Mma
Gangwe mo kgweding tse pedi nwaa molemo o ke tla o go fang .

MOLEMO

Batla monna ga apara ,modikasupe pawpaw brown leafs le cinnamon powder ,

TIRISO

Kopantsha motswako oo ebe o o dira 2 teaspoon mo 2litres ka warm water
nwa ga raro ka letsatsi
Fa motho a setse a amegile le ene o la mo siela mme ene a nwe Gangwe ka letsatsi ka kopi

DITLAMORAGO

Molemo ga ona DITLAMORAGO
Ke aleboga Balatedi baga Dr Frank tshwarang fela jalo.

Dumelang  Dumelang Dumelang balatedi le ba reetsi ba ditaela tsa ga Dr Frank Mots Gompieno  ke bua le balwetse ba ke ba ...
09/10/2022

Dumelang Dumelang Dumelang balatedi le ba reetsi ba ditaela tsa ga Dr Frank Mots
Gompieno ke bua le balwetse ba ke ba bonang ba ,
*Wena o kgaogang letheka le le botlhoko
*Wena wa mokwatla o botlhoko
*wena wa botlhoko jo bo mogare ga magetla
*wena tlhogo e opang e go ga ditshika ka ko morago
THARAROBOLOLO
Tsaya melemo e latelang o e dirise gore o bone pholo
1monamane (makwati
2Moduba (modi
3Mokgwapha (makapi kana dikala tse di omileng .
Kopanya o sile o be o tabola ka dintshwana tsa tee tse tharo mo 2litres o be o tshela Metsi a tsididi
Nwa ga raro ka letsatsi ka kopi ,
Fa matlhoko aa ka gana go fola o itse gore jaanong ke marapo a tlhokana le kalafi e faphigileng jaaka thobega ya marapo a mokwatla
Balatedi ba ga Dr ke teng ke abe ke santse ke lebile gore a mme le tsaya kalafi ka tlhwaafalo,

Tsatsi  le re ithuta ka setlhatshana se se bidiwang motlopiMotlopi ke setlhatshana se sefitlhelwang mo nageng gantsi le ...
11/07/2022

Tsatsi le re ithuta ka setlhatshana se se bidiwang motlopi

Motlopi ke setlhatshana se sefitlhelwang mo nageng gantsi le mo metlhabeng

Setlhatshana se se ka boloka botshelo jwa motho

Setlhatshana se se thusa ka tse di latelang
*se lapolosa mmele
* se digela madi a matona ko tlase
*se thusa go baakanya teng
*se busetsa metsi le go thusa seemo sa di philo

*se thusa letheka le lenna ka botlhoko

*se fokotsa mogote o tshabelelang bo mme ba 40 +
* selaola go tsamaya ga madi sentle mmeleng
TIRISO YA SETLHATSHANA
Tsaya matlhare a motlopi o a kopanye le mokgwapha kana o a apeye fela ale nosi
Nwa ka kopi phakela motshegare maitseboa malatsi ale supa go bona maduo
DITLAMORAGO
setlhatshana se ga sena di tlamorago dipe fela o selekanyetse ka go re sabotlhoko
NOTICE
Balatedi ba ga Dr Frank mots tsayang kalafi ka tlhwaafalo le go e kwalola o tle o alafe le baba tlaa tlang
Are lekeng go boela thata mo kalafing e senang ditlamorago
Ka leboga fa lentse le nna le kitso

Happy Father's  day Dr Frank Mots
19/06/2022

Happy Father's day Dr Frank Mots

Dr Frank Mots wa be a tlisetse melemo ya setso le go retloetsa gore go nowe melemo ya setso  go fokotsa bokete jwa melem...
11/06/2022

Dr Frank Mots wa be a tlisetse melemo ya setso le go retloetsa gore go nowe melemo ya setso go fokotsa bokete jwa melemo ya sekgowa mo mmeleng ,
Batho bale ba bantsi ba lela ka malwetse a latelang le wena o mongwe wa bone ke a itse
*letheka
*mokwatla
*mala a tlalang
* mala a fisang
*Dikerempe
*Go lapisega
* Go sa kgatlhegeleng thobalano
*madi a matona
Malwetse ana a sokodisa thata ka gore fa o tsena ko sepatela ba go fa paracetamol ka gore ke bolwetse jo bo sa ikaeng gore bo bidiwa mang sentle
Jaanong tsaya melemo e latelang onwe
MELEMO
*Mokgwapha
*Monepenepe
*Monamane
TIRISO
O ditsaya makwati tsotlhe obe o sila o dira bope
Tsaya melemo e oe dire bope o e kopanye ,tsaya teaspoon tse pedi o di tshele mo 2 liters obe o tshela metsi a tsididi ,morago ga metsotso e masome a mararo obe o simolola go nwa
Nwa ka kopi phakela motshegare le maitseboa
Nwa molemo malatsi ale 7
DITLAMORAGO
Melemo fa eka fitlhela go nale le sengwe se se sa siamang mo maleng o ka go berekisa mala mme otla abe o go thusa go ntsha tse di leswe ,
TSIBOSO
Molemo ga o batle o nowa ke batho ba di ulcer ka gore o ka gakatsa botlhoko jwa teng
Tswelela ng ka go ithuta ka melemo ya se galona ,tsaya buka o ikwalele melemo e kamoso le wena fa o lwala o komele mo buke ng o be o re tsamaya o eye go nkepela sele ,
TLHOLANG LE MODIMO

30/05/2022

Dumelang Balatedi ba ga Dr Frank mots ,wa be a buile gape ka tsa botosgo

Tsatsi leno re ituta ka molemo o thusang malwetse a amang dikarolo sephiri ,(private parts)ke gore bomme le borre ele adikobo e se a di kobo ,
Motlhapo o fisang,setlha se botlhoko, go ya malatsi ka di tlhabi,piping e babang tlhogo ,kuku e baba ka mo gare kana molemo ,diso tse di tshesene ,go nna o rotha rotha motlhapo ,metsi a tswang mo go mme a se monkgo o siameng

Badire dirisang ntlwana boitiketso ya mosima le yone le ele tlhoko e kgona gogo tsenya bolwetse jo botshwanang le ba dikobo mme bo farologana ka botlhoko jwa teng bole bo tona thata ebile bona le sedidi
KALAFI
Epa lopere le poo khunou obe o tsaya medi o e apaya o nwe malatsi a le lesome ka kopi ga raro ka letsatsi

Lopero le poo khunou ka na seretlwana di dintsi mofelong a ale lefatshe le

DITLAMORAGO
Molemo ga ona ditlamorago fela o ka go ntshetsa diso ko ntle

KITSISO
Balatedi baga doctor ke le ruta mahala gore lenne le kitso ka matlotlo a lona ,fa o sa itse molemo botsa botsadi fa gaufi le wena nna mpotsa o se tshwe go ka netefatsa
Fa o tla ko go nna ke ya go go duedisa ka gore o wabe o tsile ngakeng jaanong

KE ALEBOGA BOTSADI NNA LE SALE DR FRANK MOTS MORAGO LE LALETSE BANGWE GO TLA THUTONG

20/05/2022

Dumelang ba Dr Frank Mots ,
Malatsi aa bomme le borre ba di ngwaga tsa 30 years go ya ko godimo ba bolawa ke letheka le mokwatla ,mme re lwa le bolwetse jwa mofuta oo ka melemo e latelang, fa o ka enwa o be o sa fole o itse fa o bolawa ke ditokololo tsa rapo la mokwatla ka jalo o tlhoka Thobega e faphegileng ,
TSAYA
MONEPEPE, MONAMANE LE MOKGWAPA O DISILE KA BONGWE KA BONGWE DI KOPANYE ,KA SELEKANO SE SE LEKANANG ,
TSAYA DINTSHWANA TSA TEE TSA MOLEMO MO 2 LTRS KA METSI A TSIDIDI NWA KA KOPI GA RARO KA LETSATSI MALATSI A SUPANG
DITLAMORAGO :
MOLEMO FA O KA FITLHELA GALA KANA LESWE LE TSONE DIJESO O KA GO BEREKISA MALA MME A SENG BOTLHOKO GAPE A SA GO TABOGISE
TSWELELA KA GO RUTA BA BANGWE KA SE O SETSENG MO GO DR FRANK ,O SHARE FELA GORE BATHO BA FOLE MALWETSE

Address

Oodi Village/Madi Ward
Gaborone

Telephone

+26772594299

Website

Alerts

Be the first to know and let us send you an email when Dr Frank Mots posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.

Share

Share on Facebook Share on Twitter Share on LinkedIn
Share on Pinterest Share on Reddit Share via Email
Share on WhatsApp Share on Instagram Share on Telegram