01/10/2022
PUO MO BOEMONG JWA GET WELL SOON, SHOPO YA MATSHELO LE BOTSOGO KA TIRELO YA PHITLHO YA GA MALETLHONOLO KADI 01 DIPHALANE 2022, MAJEMANTSHO, MAHIKENG - GOITSEMODIMO SELEKA
Boo Ra Phatlane le Boo-Ra- Kadi, Bo-mogolowe le bo monnawe Maletlhogonolo, ngwana wa ga Maletlhogonolo, balosika, ditsala mmogo le badirammogo le badiri ba re agisaneng nabo.
Kutlobotlhoko e tletse pelong tsa rona ka se sebaka, kutlobotlhoko e e kwa teng ebile e re ama rotlhe. Maletlhogonolo o tswetswe kgoro ya botshelo ka tidimalo, mme a re tswa diatleng. Badiri, segolo thata jang bareki ba Get Well Soon matshelo le botsogo jwa bone bo loleya mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa bone jo bo amilweng ke Maletlhogonolo. Mongwe o kile a bua maloba a re “boleng jwa motho bo tshwannwa ke go bonwa mo go se a fanang ka sona, eseng se a kgonang go se amogela.” Maletlhogonolo o ne a rata tiro ya gagwe, o ne a fana ka tirelo e le nna ke leng mothapi wa gagwe ke neng nka se ke ka e kgona. Go rekisetsa Monna melemo ya Borre fa ba na le malwetsi a a akaretsang sukiri, kankere le go sa lope. Go rekisetsa Mosadi melemo ya go tsosolosa maikutlo a mapaye gongwe go sa kgone go tshola bana. Go thusa kgarejana e e fetwang fela ke makau, e ka re ke phefo, go se ope o kgwang lefoko la gore kgaitsadika ke mabele ke gasane, le go tlhalosa e mengwe ya melemo ya Get Well Soon gore e dirilwe ka eng le gore e dira jang. E ne e re mo makgetlong a le mantsi ke ne ke kobiwa mo shopong, kgotsa motho fa a ka fitlhela ke le teng, o boa a sa reka sepe. Go ne go se bonolo gore e re o tsene ka Get Well Soon, a le teng, wa tswa o sa reka. Ke se se neng se kgonwa ke Maletlhogonolo a le mongwe fela.
Ke ka hoo bagaetsho re kopanong mosong ono, re tla go mo laela re gakgametse ebile re utlwile botlhoko. Ke ne ke sa mmitse Maletlhogonolo. Ke ne ke mmitsa Kadi, o ne a mpitsa Daddy. Ke ene fela a neng a itse gore goreng a mpitsa jalo. Fa a tsweletsa Daddy e, a e tsweletsa ka go ntlhokomelela ngwanake wa mosimane, kwa ntle fela ga go dira dira ya shopo ya matshelo le botsogo. Ngwaga le ngwaga fa ke ne ke batlela Mosimane o diaparo tsa sekolo, Maletlhogonolo o ne a tsamaya le ena, a tsena mo mabentleleng a a rekisang diaparo tsa sekolo. O ne a mo rata jaaka e ka re ke monnawe wa madi.
Go robetse botshelo jo bo neng bo le lesedi le le bonesitseng matshelo le botsogo jwa batho ba le bantsi. Ke mo itsile ka ngwaga wa 2014, a tsena ko Het Well Soon a mphitlhela ke le nosi, a re o kopa tiro. Ne ke sa mmone e le motho yo a ka rekisang, mme ka ke ne ke tlhoka mothusi ka nako eo, ka tsaya “risk” e ke sa ikwatlhaeleng yona le gompieno. Ga a ka a fitlha gore o na le kitso ya mengwe ya melemo e re e rekisang, mme ga ke a nna le matsapa a le kalo mo go mo ruteng e mengwe ya yona, mme le nna ke ithuta mo go ena. Ka mo tlogela go dira a le nosi. Ga ke ise ke nne le matsapa.
Bagaetsho Kadi, o ne a tshwenyega thata fa a bona ditheko di wela tlase, fela o ne a sa tlhoboge. O ne a ka ntsenya kopano, a tlhagise a mangwe a maano a go bona gore re ngoka jang bareki. Fa a ne a ka utlwela gore basadi ba re go ba le eng se se thusang basadi kae, jang, o ne a netefatsa gore wa nkitsise mme ebile ke se reke re se rekise, a bo a nnetefaletse gore se tla rekwa. Boammaruri ke gore, soo sa teng se ne se rekwa.
Nka bua ka se Maletlhogonolo a neng a se dira, le ka phirima. Ke sekai se sentle sa modiri yo o ikanyegang ebile a rata tiro ya gagwe. O dirile jalo a le nosi go fitlha Nkgonne a tla go tswa Bloemfontein, a tla go nna le nna, ya nna badirimmogo, ba kwa bofelong ba nnileng ditsala. O ne a mpitsa Daddy, mme hela o ne a bitsa Abuti, Papi. Ke tlile kwano ka 1998, Abuti o tlile ka 2015/16, mme o itse Mahikeng go nkgaisa le go itsiwe ke batho ka ntlha ya ga Maletlhogonolo.
O ne a rata ngwana wa gagwe thata. O dirile sentle le batho botlhe ba a neng a dira gaufi le bona mmogo le bareki. O tsamaya jaana ke ise ke amogele ngongora epe e e neng e ka dira gore ke tseye dikgatokgalemo kgatlhanong nae. Se a neng a le sona, se ka sobolokwa ka gore o ne a le boingotlo le boikanyego.
Re latlhegetswe, ga nkitla ke re kutlobotlhoko ya lona ke ya rona, fela g itse fa le rona re tlhoka kgomotso mo kutlobotlhokong ya go robala ga Maletlhogonolo. Re a go nna le mathata a go araba dipotso tsa gore “Ous o berekang mo o kae”? “go diragetse eng?” “ A o ne a lwala?” Ke se re yang go samagana le sona letsatsi le letsatsi. Maletlhogonolo o lwetse bagatsho, o batlile kalafi ka mekgwa yotlhe, o lole, le tsone tsa Get Well Soon o di nole. O nthomeletse molaetsa ka Seetebosigo a re “ Dumela rra
Daddy Kena le beke ke tsamaiwa ke selo mo chest ga kere ka ja or ke nwa metsi Kenna le pain e nroka chest mokotla le matsele.ke phaladitse ka letlapa la mokoti,ka nwa somandla,ingwe sejeso, activated charcoal, holy ash,le umhlabelo but pain e ntse e nna strong.ke nwe eng? Ke ne ka tla shopong ka mo laolela gore a nwe eng, fela ka Motswana a re “ngaka ga e ikoke” ebile mothudi ga a na thipa” Modimo yo o mo tlhodileng a mo fodisa ka go miletsa kwa go ene.
Re tla mo gopola thata, ga re ne re mo lebala, mme gore re se mo lebale ko Get Well Soon, go diwasho dingwe tse disha tse tlang ka tsona, mme sengwe sa tsona re ya go se bitsa Maletlhogonolo, ka bogolo jwa tse re nang natso di bidiwa ka seZulu jaaka bo Inhlanhla, bhekamina le Phinda mshaye!!! Kutlobotlhoko ya rona e tla fokodiwa fela ke megopolo ya gore re nnile le leaego la go mo itse.
Botshelo ke lefela, botshelo ke lefelo la go ema
Kemiso mo go tshwanetseng go nna
Lefelo la boikhutso mo tseleng, go ya bosakhutleng jo bo botshe
Rotlhe re na le maeto a a farologaneng
Tselana tse di farologaneng
Rotlhe re tsaletswe go ithuta dilo dingwe
Mme go sa re ye re tla nna
Kwa re yang ke lefelo le le gaisang kitso ya rona
Bangwe loeto lo lobelo
Bangwe loeto lo bonya
Mme fa lo setse lo khutlile loeto
Rotlhe re gatela pele ka matla
Mme re bona kagiso e e sa khutleng
E leng serwalo sa rona sa tlholo
Boo- Ra Phatlane le Boo - Ra Kadi itseng fa lo le pelong le merapelong ya rona mo nakong e e botlhoko eno ebile e le thata. Adlai Stevenson o kile a bua ka Setswana sa bone a bua ka motho a re “It is not the years in a life that counts; it is the life in the years.” Bagaetsho, Maletlhogonolo o tshedile, rotlhe re tla mo gopola. Robala Tlhogi , o re robaletse ditlhokwa, o re nesetse p**a. Gompieno o fetoga Badimo ba Get Well Soon.
Ke a leboga